Motseletsele wa papatso o monnye wa balemirui
Fantisi ya Leruo
LEFAPHA: LA TEMOTHUO
Difantisi tsa leruo
Difantisi tsa leruo ke mokgwa o o botlhokwa wa go bapatsa leruo.
Difantisi tsa leruo di atametsa bareki le barekisi gangwe le gape le kwa mafelong a togamaano.
Baamedi ba papatso ba rulaganya difantisi tsa Leruo go iponela madi.
Diphologolo di rekisiwa di santse di tshela.
Ditlhwatlhwa tsa leruo
Ditlhwatlhwa tsa leruo ka gale di kwa godimo go simolola ka Diphalane go fitlha ka Sedimonthole mme di kwa tlase go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Mopitlwe.
Tshedimosetso ya kgolagano, matlha le mafelo
Ditlamo tsa fantisi ya leruo di rebola dialemanaka tse di nang le tshedimosetso e e jaaka matlha le mafelo. Dialemanaka di fitlhelwa kwa masakeng a fantisi ya leruo.
Metswedi ya go bapatsa tshedimosetso
Batlhankedi ba katoloso
Baamedi ba papatso
Makwalodikgang
Dimakasine
Inthanete jj.
Dikgakololo tse di botlhokwa malebana le thwalo ya leruo
Dirisa serori se se siameng go rwala.
Legora la tshipi le tlile go thibela diphologolo go tlolela kwa ntle e bile le letla mowa o o phepa.
Tila go pitlagana.
Tshola serori se le phepa.
Tshola setifikeiti sa go tlosiwa ga diphologolo mo seroring. Sona se ka boniwa kwa seteišeneng sa lona sa selegae sa maphodisa.
Fokotsa ditshenyegelo tsa thwalo, kokoanya barui ba bangwe ba leruo go bapatsa leruo la gago.
Ditlhaloso tsa popego:
Thebolo
Topo
Fa thebolo e feta topo, tlhwatlhwa e a fokotsega. Fa thebolo e le kwa tlase ga topo, tlhwatlhwa e a oketsega.
Tshedimosetso ka ga matlha le mafelo a difantisi tsa Leruo e fitlhelwa mo alemanakeng kwa masakeng a fantisi.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele ikgolaganye le:
Lefapha: la Temothuo
Bokaedi: Papatso
Diphasalatso
Kwadiso ya matshwao a temoso a semolao
Mokwadisi wa Diphiso
Mogala.: 012 319 7433/7431
Babebofatsi ba kgolagano ya papatso
Mogala./sele: 011 518 0000
Lefelo: Bosetšhaba
Khansele ya bosetšhaba ya Papatso ya Temothuo
Lefelo: Bosetšhaba
Mogala./sele: 012 341 1115
Fekese: 012 341 1811/1911
Mokgatlho wa bosetšhaba wa Batlhagisi ba Nama e Khibidu ba ba Tlhagelelang
Lefelo: Bosetšhaba
Setlamo sa Bodirelo jwa Nama sa Aforika Borwa
Lefelo: Bosetšhaba
Baemedi ba fantisi / Mekgatlho e e botlhokwa
Lefelo: Bosetšhaba le dinaga tse di mabapi
Mogala./sele: 082 892 8430
Lefelo: Kapa-Botlhaba fela
Lefelo: Porofense ya Bokone-Bophirima
Lefelo: Kapa-Botlhaba, Foreisetata, Kapa-Bokone le Kapa-Bophirima
Lefelo: Bosetšhaba le boditšhabatšhaba
Setlamo sa Bodirelo jwa Nama sa Aforika Borwa
Lefelo: Bosetšhaba
Lefelo:Kapa-Botlhaba
Lefelo: Bosetšhaba
Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Bafantisi ba Leruo le Bagwebi ba Nama
Lefelo:Bosetšhaba
Mogala./sele: 012 348 5111
E phasaladitswe ke Lefapha: la Temothuo e bile e boniwa mo Setheong sa Thuso, Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Temothuo, Private Bag 144, Pretoria 0001
